Trace Id is missing

Microsoft® Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Office – Setswana

Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office - Setswana se tsenya pontsho e nngwe, thuso, kgotsa didiriswa tsa thuno go ikaegile ka puo e o e tsenyang.

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

Laisolola
  • Mofuta:

    2016/2019

    Letlha la Phasalatso:

    3/14/2016

    Leina la Faele:

    Office2016_LAP_Readme_tn-za.docx

    Bogolo jwa Faele:

    21.2 KB

    Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office - Setswana se tsenya pontsho e nngwe, thuso, kgotsa didiriswa tsa thuno go ikaegile ka puo e o e tsenyang.
    Morago ga go tsenya, diitlhophelo tsa bokgoni le tsa kwalelano tsa Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office - Setswana di teng mo teng ga didiriso tsa Office le sediriso sa Ditlhopho tsa Puo tsa Microsoft Office.
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows 10, Windows 7, Windows 8

      Go bona tshedimosetso ya bosheng thata ka dipatlafalo tsa Tsamaiso bona kgokaganoDipatlafalo tsa Tsamaiso tsa Office
      Microsoft Windows 8 - 32 kgotsa 64 bit OS
      Microsoft Windows 10 - 32 kgotsa 64 bit OS. (Mo badirising ba ba rekang gangwe fela ba Office 2019 Windows 10 ke yone fela OS e e tshegetswang)
      Ela tlhoko:Tsweetswee tlhomamisa gore o tsenya Diphuthelwana tsa bosheng thata tsa Tirelo mo Tsamaisotirisong ya gago go tlhomamisa gore puo ya gago e tshegetswa ka botlalo.

    SerweboletaMofuta lefa e le ofe wa sete ya Office 2016 (kgotsa o moshanyana go feta ono) kgotsa o o ikemetseng ka nosi o o nang le Microsoft Excel, Microsoft Lync, Microsoft OneNote, Microsoft Outlook, Microsoft PowerPoint kgotsa Microsoft Word o tla tshegetsa Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office sa 2016 (kgotsa se seshanyana go feta seo) - Setswana.
    Khomphiutha le Selaodi Selaodi sa 1.6 GHz ka tshegetso ya SSE2 kgotsa go feta; 4GB RAM; 2 GB RAM (32-bit) kgotsa go feta

    Sebaka sa disikeMo godimo ga sebaka sa disike e e thata e e dirisiwang ke didiriso tse di tsentsweng tsa Office,
  • 4 GB ya sebaka se se teng sa disike e e thata.

  • Dipatlafalo tsotlhe tse dingwe tsa tsamaiso di a tshwana le tsa didiriso tsa Office tse o di dirisang mmogo le Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office - Setswana.


  • Language Interface Pack ya WindowsGo akantshiwa gore o tsenye di-Language Interface Pack tsa Windows gore puo ya gago e tshegetswe ka botlalo mo Tsamaisotirisong le mo didirisong tsa serweboleta.

    Baya Resolušene le diseting tsa DPI leitlhoDifonto di le dintsi di dirilwe gore di balege sentle ka resolušene ya 1366 x 768. Fa o na le mathata ka go bala fonto ya puo ya gago tsweetswee ntšhwafatsa diseting tsa gago tsa pontsho gore e nne tsa resolušene eno kgotsa e nne kwa godingwana ga eno fa go tlhokega. Tsweetswee ela tlhoko: re akantsha gore o dirise didiriso tsa Office mo seting ya thulaganyetsoruri ya DPI ya Windows - 96 DPI. Go dirisa seting ya 120 DPI go ka nna ga dira gore Office ya gago e se ka ya dira sentle mo didirisong dingwe tsa Office ka go oketsa bogolo jwa puisano ya Office.

    Diitlhophelo tsa Kgaolo le tsa Puo Mo godimo ga moo go akantshiwa gore Diitlhophelo tsa Kgaolo le tsa Puo mo Phanele ya Taolodi bewe mo puong ya Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office – Setswana.

  • Go tsenya Sephuthelwana seno sa Sethusi sa Puo:
    1. Laisolola Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo Faele ya go tsenya ka go tobetsa kgokagano eno Laisolola Setsenya Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo
    2. Fa o Sena go Laisolola Tlhopha Tsamaisa.
    3. Latela ditaelo tse di mo sekirineng go wetsa thulaganyo ya go tsenya.

    Fetola segokaganyi sa modirisi gore se nne ka puo ya Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo
    Fa Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo se sena go tsenngwa, o ka nna wa fetola puo ya segokaganyi sa modirisi go nna ka (Setswana) go tswa mo teng ga didiriso tsa Office kgotsa go tswa mo sedirisong sa Ditlhopho tsa Puo tsa Microsoft Office.

    Go fetola puo ya segokaganyi sa modirisi go tswa mo Ditlhophong tsa Puo:

    1. Thankgola Ditlhopho tsa Puo tsa Office.
    2. Go tswa go Tlhopha Dipuo tse di Tseleganyang lenaane, tlhopha puo e o e tseleganyang o bo o tobetsa Rulaganya gore e nne Thulaganyetsoruri konopo.
    3. Go tswa go Tlhopha Dipuo tsa Pontsho le Thuso manaane, tlhopha Puo ya Pontsho o bo o tobetsa Rulaganya gore e nne Thulaganyetsoruri konopo.
    4. Tobetsa GO SIAME konopo.

    Go fetola puo ya segokaganyi sa modirisi go tswa mo sedirisong sa Office:

    1. Ya go Faele, Ditlhopho, go tswa foo tlhopha Puo.
    2. Go tswa go Tlhopha Dipuo tse di Tseleganyang lenaane, tlhopha puo e o e tseleganyang o bo o tobetsa Rulaganya gore e nne Thulaganyetsoruri konopo.
    3. Go tswa go Tlhopha Dipuo tsa Pontsho le Thuso manaane, tlhopha Puo ya Pontsho o bo o tobetsa Rulaganya gore e nne Thulaganyetsoruri konopo.
    4. Tobetsa GO SIAME konopo.

    Diseting tsa puo tse o di tlhophileng di tla diragadiwa mo nakong e e tlang fa o simolola didiriso tsa gago tsa Office.

    Fetola puo ya mopeleto
    Sephuthelwana sa Sethusi sa Puo sa Microsoft Office - (Setswana) se ka nna sa akaretsa didiriswathuno ka puo ya gago. Tsela ya go fetola puo ya mopeleto ya mokwalo o o o tlhophileng ke eno:

    Excel: Excel e dirisa seting ya puo ya tseleganyo ya Microsoft Office ya Motheo gore e bone puo ya mopeleto ya thulaganyetsoruri. Go fetola seno, tobetsa Faele go tswa foo tobetsa Diitlhophelo. TobetsaThuno seitlhophelo o bo o tlhopha nngwe ya dipuo tse di teng go tswa mo Puong ya dikishenarelenaane.

    Outlook, PowerPoint, Word le OneNote: Tlhopha mokwalo o o ratang go tlhatlhoba mopeleto wa one, tobetsa Tshekatsheko, tobetsaPuo konopo, go tswa foo o bo o tobetsa Rulaganya Puo ya Thuno seitlhophelo. Tobetsa puo e o e batlang go tswa mo lebokosong la dipuo o bo o tobetsa GO SIAME.